DIPOROJEKE TSA TSWELONTLE
NAFVSA e na le Karolo ya Tswelontle, e e dirang gore matheriale o nne teng kwa MaAforika Borweng otlhe segolo baagi ba maloba ba ba neng ba ikgatholositswe. Mo go bopeng dikgwebisano tsa tebesiso le ditheo tse dingwe, e leka go fitlhelela MaAforika Borwa otlhe.
Diakhaefe tsa Bosetšhaba tsa Filimi, Bedio le Modumo di amega mo diporojekeng tse di mmalwa. Ditheo tsa thuto di lalediwa go bona difilimi le go tshwara dipuisano ka setlhogo sengwe le sengwe se ba ikutlwang go tlhokega go se akaretsa. Seno se dirwa ka kgolagano le barutabana le batlhatlheledi. Maikaelelo magolo a karolo ya tswelontle ke go isa "Baesekopo kwa Bathong" koo baagi ba ka ungwang go tswa mo go yona. Seno se dirwa ka kgolagano le mekgatlho e mengwe jaaka dikolo, madirelo a a maleba, dikereke, mekgatlho ya baagi le setšhaba ka kakaretso. NAFVSA e lebile baagi ba magae ba ba sa itseng se akhaefe ya filimi e leng ka ga sona ka le bona gape ba na le ditshwanelo go fitlhelela tshedimosetso.
NAFVSA e ikaelela go dirisa Ditikatikwe tsa Botsweretshi tsa Baagi, tse di neng di agilwe ke Lefapha la Botsweretshi le Setso go konosetsa maikemisetso a. Kereke, sekolo le dintlolehalahala le tsona di tla dirisiwa.
Re rotloetsa baagi kana mongwe le mongwe yo o nang le kgatlhego mo ngwaobosweng ya kutlo pono ya naga e go golagana le rona fa ba na le dikopo go dirisa ditirelo tsa NAFVSA .
DITIRAGALO TSA MOLOMO LE POROJEKE YA MMINO WA TLHOLEGO
NAFVSA e na gape le karolo e e dirang ka poloko ya dikwalo tsa molomo tse di tswalang diphatlha mo ditiragalong tsa rona. Batho ba botsolodiwa ka ditlhogo tse di farologaneng tse di ikaegileng mo setsong, botsweretshi, tiragalo le kago ya setšhaba.
Kgobokanyo, poloko le phatlhalatso ya Mmino wa Tlholego di godisiwa ka Pontsho ya Seletswa sa Mmino sa Tlholego e e Tsamayang
TSA TSHEDIMOSETSO
Aterese ya Poso
Aterese ya Sebele
Ga go dikgoroso tsa poso go ya atereseng ya sebele tsweetswee
Mogala 343 9767
Fekese 344 5143/ 323 5287
DIAKHAEFE TSA BOSETŠHABA TSA FILIMI, BEDIO LE MODUMO
Dipatlisiso tse di dirilweng ka 1956 di feletse ka peomolao e tlhoma Boto ya Bosetšhaba ya Filimi ka di 1 Moranang 1964. Tiro e kgolo ya Boto ya Bosetšhaba ya Filimi e ne e le go thusa mo kgodisong ya madirelo a filimi. Ditiro tse dingwe e ne e le go thalelela, kamogelo, go boloka le go dira gore e nne teng kwa badirising ba yona, difilimi tse di neng di dirilwe mo kana ka Aforika Borwa. Go dira ditiro tse karolo e e itseweng jaaka Setheo sa Aforika Borwa sa Filimi e ne ya tlhomiwa. Leina la karolo le ne la fetolwa morago go nna Diakhaefe tsa Bosetšhaba tsa Filimi.
Ka di 31 Sedimonthole 1979 ditiro tsa Boto ya Bosetšhaba ya Filimi di ne tsa khutlisiwa. Diakhaefe tsa Bosetšhaba tsa Filimi ke tsona fela karolo e e falotseng mme e ne ya sutisediwa kwa Lefapheng la Bosetšhaba la Thuto. Kwa bofelong ya nna karolo ya Diakhaefe tsa Naga (morago Diakhaefe tsa Bosetšhaba) ka 1982, mme fa e sale di dira jaaka bobolokelo bo bo itlhopholotseng jwa direkoto tsa kutlo pono (kana "dikwalo" tsa kutlo pono go ya ka lereo le le dirisitsweng mo Molaong wa Peeletso ya Semolao).
Ka 1985 ditiro tsa teng di ne tsa atolosiwa go tsenyeletsa dikgatiso tsa modumo, mme leina le ne ka jalo le lona la fetoga go nna Filimi ya Bosetšhaba, Bedio le Diakhaefe tsa Modumo (NAFVSA)
Molao wa Diakhaefe tsa Bosetšhaba tse dintšhwa tsa Aforika Borwa o tsene mo tirisong ka di 1 Ferikgong 1997. O tlamelela kgobokanyo, poloko le phitlhelelo kwa direkotong tsa kutlo pono tse di tlhodilweng ke ditheo tsa mmuso le tsa poraefete ka bobedi le batho ka nosi. O kgontsha gape Diakhaefe tsa Bosetšhaba , kana ka tlhamalalo NAFVSA, go kopa batlhagisi le baphatlalatsi ba ditlhagiso tsa kutlo pono go aba dikhophi tsa tiro ya bona. Seno ga se dire kwa ditlhagisong tse di tshwanetseng go beelediwa go ya ka Molao wa Peeletso wa Semolao. Matheriale wa kutlo pono o ka bonwa gape ka mokgwa wa ditshutiso go tswa mafapheng a mmuso kana mekgatlho, dikabo tsa boithaopo, dithefosano le ditheko. Diakhaefe tsa Bosetšhaba tsa Filimi, Bedio le Modumo di fitlheletse botokololo bo bo tletseng jwa Mokgatlho wa Boditšhabatšhaba wa Diakhaefe tsa Modumo (IASA) ka 1989. Ka 2002 e bone botokololo bo bo tletseng jwa Kopano ya Diakhaefe tsa Filimi tsa Boditšhabatšhaba (FIAF).
NAFVSA ke karolo ya Diakhaefe tsa Bosetšhaba ka fa tlase ga Lefapha la Botsweretshi le Setso. Filimi ya Bosetšhaba, Bedio le Diakhaefe tsa Modumo ke sona fela setheo sa bosetšaba sa mofuta wa sona mo Aforika Borwa
Maikaelelo a Diakhaefe tsa Bosetšhaba tsa Filimi ke :
Go kgobokanya tsa kutlo pono (tsa setšhaba le tse e seng tsa setšhaba) le matheriale o o amanang o o neng wa dirwa mo kana ka Aforika Borwa
Go tlhomamisa poloko e e siameng ya ngwaoboswa ya kutlo pono ya Aforika Borwa
Go dira direkoto tse di jalo go fitlhelega le go tokafatsa go dirisiwa ga tsona ke MaAforika Borwa otlhe
Go tokafatsa tirisanommogo magareng ga ditheo tse di nang le thuo ya direkoto tse di jalo.
Go tokafatsa matheriale wa kutlo pono le madirelo a kutlo pono mo Aforika Borwa
DIAKHAEFE TSA FILIMI , BEDIO LE MODUMO KE ENG?
NAFVSA ke setheo sa mmuso se se bolokang ngwaoboswa ya kutlo pono ya naga ya dikokomane tsa isago. Dikagego tse di farologaneng jaaka difilimi, dibedio, dikgatiso tsa modumo le matheriale o o amanang di ka bonwa kwa filiming, bediong le diakhaefeng tsa modumo. NAFVSA e tshwanetse go bonwa jaaka tikatikwe ya motswedi ya ngwaoboswa ya kutlo pono ya Aforika Borwa.
NAFVSA e na le phaposi ya go buisa koo babatlisisi ba ka lebelelang dithusi tse di farologaneng mmogo le motswedi-tshedimosetso wa khomputara, ntle le tuelo. Go bona kana go reetsa matheriale, peelano e tshwanetse go dirwa pele ga nako. Kitsiso ya malatsi a la mararo e a tlhokega go letla matheriale go tlwaela pele o ka lebelelwa kana go reediwa mo sedirisiweng se se maleba. Matheriale o ka fitlhelelwa mo lefelong la NAFVSA ka tuediso e e tlhomamisitsweng ke Ramatlotlo. Baithuti ba sebele ba ka re, ka peeletso ba bona kana ba reetsa matheriale ntle le tuelo. Tumelelo e e kwadilweng ya beng ditshwanelo e a tlhokega pele matheriale ofe kana ofe o ka nna teng go gatisiwa ka sebedi.
Kwa ntle le kgobokanyo ya kutlo pono NAFVSA gape e na le matheriale o o amanang jaaka dithedimogane, diphousetara, ditshwantsho, dikwalwa, dilo tsa musiamo le laeborari e e dirang ka matheriale wa kutlo pono.
Laeborari e na le bokana ka dibuka tse 3000 go ralala dikarolo tsotlhe tsa naga ya boithabiso, matlha go tswa malatsing a pele a Boto ya Bosetšhaba ya Filimi e ga jaana e emisitsweng mme ke laeborari ya kaelo fela, ka ntlha ya boleng jwa bontsi jwa dibolumo. Le gale, dibuka tsotlhe mo laeborari di ka lebelelwa mo lefelong la Filimi, Bedio le Diakhaefe tsa Modumo, mme dikgatiso di ka dirwa ka madi a le mannye.
NAFVSA e na le kgobokano ya bokana ka diphousetara tsa filimi di le sekete se le sengwe tse di sa tlwaelegang, tsa letlha la kwa morago la De Voortrekkers , filimi ya dipopego e e leng teng ya bogologolo mo Aforika Borwa. Bontsi jwa diphousetara tse tota ke mofuta o le mongwe mme o ralala mefuta yotlhe e mengwe ya difilimi tsa selegae. Se se botoka mo akhaefeng ka diphousetara tse ke go dira gore di tsenngwe mo motswedi -tshedimosetsong ka go bonesediwa ka ileketeroniki koo di ka lebelelwang mme e seng go tshwarwa
Jaaka ka kgobokanyo ya phousetara, Akhaefe e na le kgobokanyo ya ditshwantsho tse di amanang le dipopego tsa difilimi tsa selegae tse di farologaneng . Ditshwantsho tsa go batla e nna tsotlhe tsa dipopego tsa difilimi tse di tlhagisitsweng mo nageng e fa e sale 1916 di ka fitlhelwa fa. NAFVSA e na le kgobokanyo ya bokana ka filimi dikwalwa tse 1200 go tswa dipopegong tse di farologaneng tsa difilimi tse di dirilweng mo selegaeng. Bontsi jwa tse ke dikwala tsa tlhagiso pele mme ka jalo di farolagana thata go tswa kumong e e fedileng e e mo sekerening
NAFVSA gape ke motshodi wa kgobokanyo e kgolo ya direkoto tsa pampiri tse di tshotseng dikwalo, ditshego tsa kuranta, ditshwantsho, mananeo le diboroutšhara tse dikgologolo ka teatere, mmino, dikwalo le botsweretshi jwa dipente. Bontsi jwa matheriale mo setlhopheng se bo tlhagile kwa dikabelong tsa batho ba poraefete le ditheo tse di neng di na le kgatlhego mo tiragatsong le botsweretshi jwa dipente. Kgobokanyo e e ne ya sutisediwa kwa go NAFVSA go tswa go Khansele ya Patlisiso ya Saense ya Motho (HSRC)
BOTLHOKWA JWA DIAKHAEFE TSA FILIMI, BEDIO LE MODUMO
NAFVSA e tshwana e le esi ka gore ke e le nngwe ya di le mmalwa fela ya diakhaefe lefatshe ka bophara tse di bolokang filimi, bedio le matheriale wa modumo ka fa tlase ga marulelo a le mangwe. Go fitlhelela dikgobokanyo tse di tshwanang di le esi tse, tse ka pono di tlhagisang tiragalo ya Aforika Borwa e nnile mme e tla nna ya thuso e kgolo mo dikokomaneng tsa isago tsa MaAforika Borwa. Ba ka reetsa bonolo mme ba bona se se diragetseng mo nakong e e fetileng mme ba ka ya pele go akanya ka fao madirelo a pono kutlo a ka lebegang ka teng mo isagong.
Ka ntlha ya diphetogo tsa ka bonako mo thekenolojing, sedirisiwa se se neng se dirisiwa dingwaga di le 20 tse di fetileng ga se dire gompieno; le gale, se ka dira go tlamela tshedimosetso ya lemorago, mme ke ya kgatlhego ya tiragalo mo go bontsheng tsweletso ya madirelo a kutlo pono.
